05/05/2019
Dumelang bagaetsho, dumelang bagolo, dumelang ditsala tsame mo Mahalapye!
Kene ke eleditse gore kele bolele gore le ipaakanyetse Mahalapye yo mosha. Gongwe le gongwe ko lele teng itseng hela gore Mahalapye yo mosha o etla, ebile ga gona yoo oka mo kganelang. Mahalapye yoo dipone, yoo ditsela, yoo etisegang go sena borukuthi. Mahalapye yoo meletswang ke baeti mathe. Mahalapye yoo ereng o tsena ka ene obo okare oko mahatsheng. Ditlhase di lemilwe kaha tlhoko ga tsela, di lawn, di youth centre tsedi phophomang ka banana ba rotontshiwa go taka, go loga meriri, go dira ka matsogo a bone ke baeteledipele badi brigade le makgotla a mahatsheng a sele.
Ipaakanyeng banana, TSAYANG di passport reya go t'ola reya lephalale reya go kopana le maburu reba botsa gore bone ba kgona jang go lema lego rua. Ipaakanyeng bo mmaseapei reya go rutiwa go apaya dijo tsedi nang le dikotla lego dira dijo tsedi ka tsenqng mobo spar, choppies lebo sefalana. Lona bo makhenekhe keya go bitsa barotuntshi gota go dira thulaganyo yago tokahatsa dikitso tsa lona. Lona barui ba dikoko le dihutshwane retaa kopana re bona gore reka di bapatsa botoka jang (ke nale lenaneo 👍👌). Lona bagolo bame baba mo retirement ke nale tiro e tona ele yang go dira pharologanyo. Bo nurse le dingaka leka simolola go bala gore di clinic di kahe... Go simolola hela ha Tewane.
Lona bataki le baletsi (artists and djs, baopedi) gare kgaogane! Ke lona bagokolodi ba tsa dikatara.
Hake bua ka Mahalapye yo mosha gake robale, mathe aa kgala, ke bolawa ke thumarumo.
Betsho ke heleletse Kago le laletsa kapolo ya AP mo Mahalapye West kadi 03 August.
Ke taa le itsise lehelo ha nako e goroga.
(bale batlang go tikela sengwe le mpone ko bothokong ke teng mo 72228369)
Kele
Tsholofelo Presto Sebele