03/08/2025
RE THUBILWE DIPELO KE GO UTLWA KA LESO LA GA SETHOMO LELATISITSWE MO MARANYANENG
Rre Moiseraele Lelatisitswe ebong mogolowe Sethomo Lelatisitswe o tlhalositse mo potsolotsong fa leso la ga monnawe le ba thubile dipelo, bogolo jang ka ba bone mo maranyaneng pele ba begelwa ke ba sepodisi.
O kopile sechaba go emisa go gasagasa dikgang tsa dintsho mo maranyaneng le go fa ba lelwapa sebaka sa go amogela tatlhegelo ya ngwana wa bone.
"Ke boammaaruri gore ngwana wa rona o ikgapetse botshelo. Re bone mo maranyaneng re ise re begelwe ke mapodisi. Le fa go le botlhoko, re amogetse se se diragetseng, re ithobogile."
Lelatisitswe yo neng ele Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Boteti botlhaba o tlhokafetse a le dingwaga di le 47, a tlogela bana ba le bararo.
Dithulaganyo tsa phitlho di tsweletse.