22/07/2026
4Ke nna Johane, ke kwalela diphuthego tse supa tse di mo Asia: A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, le mo Meweng e supa, e e fa pele ga sedulo sa gagwe sa bogosi,5le mo go Jesu Keresete, mosupi yo o ikanyegang, motsalwapele wa baswi, molaodi wa dikgosi tsa lefatshe!
Ene yo o re ratileng, a ba a re golola mo maleong a rona ka madi a gagwe, 6a ba a re dira dikgosi le baperesiti ba Modimo, Rraagwe; a kgalalelo e nne ya gagwe le thata go ya bosakhutleng! Amen.