21/05/2026
A re ithute mmogo:
BOLWETSE JWA MADI A MATONA....BO BAKWA KE ENG?
Bolwetse jwa madi a matona (bo gape bo itsegeng ka sekgooa jaaka Hypertension kgotsa High Blood Pressure) bo bakwa ke mabaka a le mmalwa. Gantsi bo aroganywa ka mefuta e mebedi e megolo ya sebopego sa jone:
1. Madi a Matona a Motheo (Primary/Essential Hypertension)
Mofuta o, ke one o o tlwaelegileng thata (mo e ka nnang 90% ya batho ba ba nang le madi a matona). Ga bo na leruri le le lengwe le le tlhamaletseng, mme bo tsoga ka ntlha ya motswako wa dilo tse:
Lelapa/Losika (Genetics): Fa e le gore mo lapeng go na le ba ba tshedileng ka bolwetse jo, go na le kgonagalo e kgolo ya gore o nne Le jone.
Mofuta wa botshelo (Lifestyle):
Go ja letsowai le le ntsi mo dijong.
Go tlhoka go itshidila mmele (lack of exercise).
Go nna le mmele o o fetang selekanyo (overweight/obesity).
Go goga motsoko le go nwa jalwa mo go feteletseng.
Bogodi: Fa motho a ntse a gola, megala ya madi (arteries) e a gagamala, mme se se oketse madi a matona.
Go tlhobaela/Go stressa: Go tshelela mo kgatelong e kgolo ya tlhaloganyo le mmele nako e telele.
2. Madi a Matona a a Tliswang ke Mabaka a Mangwe (Secondary Hypertension)
Mofuta o, o tlhagelela ka gonne go na le bolwetse bo bongwe mo mmeleng jo bo ka bo bakang. O ka tswa bo bakwa ke:
Malwetse a diphilo (Kidney diseases): Diphilo ke tsone tse mofuta o mongwe di laolang madi mo mmeleng ka go tlhotlha metsi Le botlhole mo mmeleng. Jalo ga di sa bereke sentle, go ama bokete Le selekanyo sa Madi mo mmeleng.
Mathata a di-hormone: Jaaka bolwetse jwa thyroid kgotsa di-gland tse dingwe.
Metsamao ya madi e e thibaneng: Tlhatlagano ya mafura mo megaleng ya madi/ mo ditshikeng (atherosclerosis).
Ntlha ya Botlhokwa:
Gantsi bolwetse jo bo bidiwa "mmolai yo o didimetseng" (silent killer) ka gonne bo ka nna jwa se bontshe dikao dipe mo tshimologong, mme bo nna bo senya mmele ka mo teng.