Tuna by Kgosi

Tuna by Kgosi Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from Tuna by Kgosi, Business service, Gaborone.

12/07/2023

SEDIBENG SA LORATO 1

Nancy o ne a ipaakanyetsa go ya tirong,e ne e le letsatsi fela a sa tswa go boa kwa Maun kwa a neng a etetse lekau la gagwe teng,ba ne ba le dikgwedi di ka nna pedi ba ntse ba le mmogo,yo wa rre o sela Nancy jaana a sena go phuaganngwa ke rragwe ngwana wa gagwe wa bobedi,go ne go lebega mogoma a ne a babalelwa ke go tlhokomela bana ba babedi ka yo a mo fitlhetseng,ya re a bona go nna thata a tswa a didimetse,ee ba ntse jaalo bo Tinto!
Nancy o ne a nne nakonyana a sa ratane,ke gone fa a tla a kopana le Unopa mo facebook,moeka a mo topela lorato mo a ileng a budusa tsela ya Gaborone Maun.
Nancy fa a sena go ipaakanya a amogela mogala wa ga Unopa
"Hello!my babe!
"Mmmh!a ga a go bolelela gore o a nyala rre yo?"ga botsa lentswe la motho wa mme
"Ke bua le mang?"
"Unopa s wife to be,ke ne ke re a ga a go bolelela gore o a nyala?"
"Nnya mma"
"Ee ke ntsheditswe magadi fa e le gore ga o itse,beke e e tlang ee re ya ga molaodi,a ko le nne le tshaba malwapa a batho banyana ba Gaborone,le gone ga o boi o tlogela bo mmankatennyana ba gago ba ba nkgwane mo game le tla a loiwa ke batho!le fa ke lebile mmankateng wa gago jaana o mosesane fa nka go kotama ke ipotsa gore o tla tswa jang ka fa tlase game nxla!"
"Mma tota ke maswabi,monna yoo o ne a sa mpolelela gore o na le mosadi,tota re na le dikgwedi tse pedi ntse re le mmogo ke tlhola ke tla Maun e le ene a mpegang ke..."
"Mma wee!ke ne ke le mo botsetseng jaanong tswa fela mo monneng wame!ke dumela gore jaanong o a itse,ga ke sa batla dikgang dipe le wena!"a kgaola mogala,Nancy a utlwa a hupela,pelo ya gagwe ya tutela o ipone a apola a boela mo dikob**g,mosamo wa gagwe wa sala o ntse metsi ke dikeledi,kana mme o a ne a bolelela Unopa gore ga a ise a batle go ratana,motho a mo raela go fitlhela a tsaya tshwetso e a neng a se mo maikaelelong a go e tsaya ka tshepho ya gore o a mo rata.

Motshegare wa letsatsi leo Nancy a tswa mo ntlong a iphokisa phefo fa ntle,Brian a tla a tswa ka fa morago ga ntlo.
"Dumela Nancy nna kana kare o theogetse"
"Ga ke a theogela motho wame,e bile kana ke ntse ke go batla"
"Ok!ke fa"
"A o ne o le serious ka kgang ya relationship?"
"Ee mma thata le gone!"
"Ok!nnya ke ready"
"Ao!akere mme go makgetlho a mantsi ke leka gore re age lelwapa o ntse o re o na le monna?"
"Ke ne ke tshameka ke batla go bona gore o tlhwaafetse go le kae"
"Ao?mme ke maswabi mmata wame ke setse ke bone motho,i am now taken"
"Okho!raya tlhe motho yoo o re ke teng akere o mphitlhela ntse ke le teng"
"Ga ke bone fa go na le lebaka la gore ke mo phuaganye tsala yame,ngwana yole o digile mowa i love her so much!ga ke batle a utlwa botlhoko"
"Ee rra o tla a ntira side chick akere ke jesitse"
"Nnya i am not like that,ga ke type ya di side chick i respect myself"mafoko ao ya nna e kare segai mo pelong ya ga Nancy,a itshegisa go ikitsha ditlhong
"Hehe!nnya rra ke ne ke itshamekela fela".
"Ok!"Brian a tsena mo ntlong ya gagwe,Nancy a sala fa ntle a ija ka go bua ja pelo
"Kana mme ke ganne Brian ke ithaya ke re gongwe Unopa o a nthata,banna tlhe ba pelo di maswe bathong!ke ipotsa gore motho o ka ntiela nako a nna le nna a ntse a itse gore o a nyala eish!a mosepele wame wa go nna ke ya kwa!nxaaa!"ga tsena kgarebe e nngwe mo lwapeng,a tla a lebagane le ntlo ya ga Brian
"Koko!"Brian a bula lebati a bo a mo suna mo lerameng,
"Babe ga ke a go dia akere?".
"Nnya mma,just feel at home ke reka sengwe ke etla"
Morao ga metsotso e ka nna lesome le botlhano Brian a boa a tla a tshwere dithunya,pizza le mophutlhelwana o neng o kwadilwe Gucci ka fa ntle,a bula lebati ka bonya,Nancy a utlwa lentswe la wa mme ka fa teng
"Thanks a lot babe!tlhe rra wena ke a go rata!"
"I love you more babe!"Nancy a utlwa jaanong go lela pina tsa marato,go a ne go kgabola mafoko a
"Ohh!..yes babe!i love you ohh!.. ohhh!"Nancy a utlwa a ikotlhaela letsatsi le a ganneng Brian ka lone,a bona tota gore fa gi twe dikgaka di fapaana le bathei go tewa jang.

12/07/2023

LEFUFA GA LE BUTSWE 50

Letsatsi la Keresemeose ga bo le monate kwa ga Maikutlo,bana ba gagwe botlhe ba ne ba kopane e bile ba tlhabile podi,go ne go jewa mo lebogo le neng le tlhoka molatswi,ba lala ba etisitse bosigo joo jotlhe,ba tswa go roba,a masa a sa ka nako ya botlhako.

Mo mosong fa botlhe ba tsogile Modise a ba phgutlhela botlhe fa setlhareng,a lebagana le bobana ba ga mmaagwe lka boraro ja bone
‘’ke ne ke eletsa go le tshwarela gone fa ban aba ga nmme,kana go bereka mmogo ga go reelee gore re ka buela sengwe le sengwe fa re berekelang teng,go na le mafoko a a tlhokanang le go nnelwa fa fatshe,mosimane yo kana a re o a nyala,kana jaanong jaaka re ntse jaana ke rona batsadi ba gagwe e bile ke rona re ka mo nyadisang,jaanong ke ne ke kopa gore re kopanele tiro ya gagwe ka lorato re berekisane sentle jaaka bana ba motho go sena yo o ngalang e bile go sena yo o fufegang ke a le kopa bana ba ga mme’’
‘’hehe!’ao ke mafoko a mantle thata le nna ke tla a rata go nna le karolo tota’’peter a bua a tletse monyenyo mo sefatlhegong o le sefofu se neng se ka bona gore ga se wa maitlhamako.
modise a dumalana le bana ba ga mmaagwe gore ba tla a batlela mosimane mosadi.
Tsela ya bokalaka ya simolola go butswa,Modise le Peter e le bone ba ba neng ba batla mosadi,batsadi ba ga Lidani ba ba amogela ka tsoo pedi le fa bangwe ba ne ba ngongoregela dingwaga tsa ga Poloko,mme fela seo sa seka sa emisa sepe.
Letsatsi la lenyalo la goroga,lenyalo la ga Poloko la kjelwa ko Cresta Hotel mo Francistown.
Linda le Poloko ya nna monna le mosadi.

Ngwaga o ne o setse o simologile,babereki ba kompone ya GraceDaniels ba ne ba boetse ditiriong,letsatsla ntlha le ba gorogileng ka lone ba tshwara bokopano ja kompone,Poloko a ba ama ka lefoko
‘’betsho ke tsaya ke re le buile lotlhe le babalesegile,ke kopa gore e re ngwaga o simolola jaana re simolole le one,nna ke tla a bo ke nna ke tla kwano ka sewelo ka gore ngwaga ono ke a kwala,mme ke kopa gore le seka la nna boitseme ka gore ga ke yo nnya,gakologelwang gore fa ngwaga o fela go na le di bonus,mme di tla a tsenngwa ka gore wena o berekile jang as an individual,ga ken a ape a mantsi a ke ka a buang,ke ka le raya fela ke re berekang ka natla…sa bofelo ke tla a eletsa go le itsise our new sales department manager,ke ene Gontlametse Lefika’’ba mo opela mabogo
‘’ke kopa gore le mo amogele ka lorato e bile le bereke le ene sentle,ke a le leboga’’ba phatlalala moongwe le mongwe a ya kw a berekelang teng,Gontlamettse a sala le Poloko
‘’ngwana wa ga nkgonne dumela ke tsile thari’’
‘’ee mma ke a tlhaloganya ga se sepe fela’’
‘’ngwanaka ke a leboga,ke ne ke ipotsa gore fa ke tswa fa ke ya go simolola botshelo kae,maloba fa ke tswa mo kgolegelong ne ke re ke ikgapela botshelo’’
‘’ee mma ke a tlhaloganya,ke go itshwaretse’’
‘’tanki tlhe ngwanaka!’’
‘’ee mma’’
‘’go na le sengwe se ke eletsang gore o se itse ngwanaka’’
‘’ee mma ke reeditse’’
‘’ngwanaka golo fale kana ke nna ke neng ka kopakopanya matshelo a gago,tota ke ne ke tshaba gore o tsile go tshela botoka go na le nna,letsatsi le o neng o tsaya dimpho ka lone ke lone le ke ileng ka simolola go go tsamaela dingaka,ke tlhabiwa ke ditlhong ka gore ke ne ke go tsamaela dingaka o le ngwana o le kana!ngwana wa ga nkgonne intshwarele’’
‘’rakgadi e sale ke go itshwaretse bogologolo,we now work as a family,we work to be successful not to compete,phadisano ke yone e tsalang lefufa,ke kopa gore o tlhaloganye gore lefufa ga le nke le nna le katlego,go ete gotwe le fa o ka le apaya le lentswe go ka mpa ga butswa lentswe LEFUFA GA LE BUTSWE’’

12/07/2023

LEFUFA GA LE BUTSWE 49
Nako e ne e le ya botlhano maitseboa,Poloko o ne a tsena mo ga gagwe a lebega a lapile,Linda a tsaya beke mo go ene a bo a mo apola baki,fa a nna fa fatshe a mo rola ditlhako
‘’dumela mogatsaka’’
‘’dumela love!’’
‘’eish!ke lapile motho wame’’
‘’ke a tlhaloganya’’
‘’exam ka fa,dipente,di order tsa di customer eish!nna ke tla a swa!’’
‘’atleast ka moso o a ikhutsa mogatsaka’’
‘’mmmh akere?gape ke tshepha gore bo mmangwane le malome ba tla a bereka jaaka ke batla,bone malatsi a ke a ba tshepha ba mpontsha gore ba lemoga gore ke motho ke a ba thusa’’
‘’akere?e bile ga ba sa reetsa mo go nna ba nthata mo go maswe’’
‘’kana mme o bona fa nne re ka tshela jaana re le batho go ne go ka nna monate mo go maswe!’’
‘’Lefufa le bolaile batho ba le bantsi thata moratiwa,bangwe ba a sotlega e bile ba ja ntsa ka gore ba fufegetse bone ba ba ka b**g ba ba thusa,boloi tlhe ga bo busetse!’’
‘’mmmh!mme lefufa fa o ka ela tlhoko le simolola ka go sa batla go gaisiwa,batho ba ba sa batleng go gaisa bontsi ja nako ke bone ba lefufa le nnang mo go bone le bo le gola e felela e le baloi,bana ba fedile,masika a kgaogane,malwapa a thubegile,ba le bantsi ga ba bereke,bana ba a feila mo dikolong ka baka la lefufa!’’
‘’eish!...e kare mongwe le mongwe o ka itshekatsheka a tlogela mokgwa yo wa bosawana kana mme lone ga le nke le fenya thapelo’’
‘’ke sone se ba reng lefufa le fa le ka apewa le leje,leje le a butswa lone le sale foo le ntse le kgakgatlha le sa butswe’’
‘’mmmh!’’
‘’eish!a re robale mogatsaka ke tlhaetse’’
‘’sure!’’ba isa marapo go beng.

Letsatsi e ne e le la Matlhatso mo mosong,Poloko o ne a le mo Gaborone Hotel a eme fa ntle go iphokisa phefo,a bona mongwe yo neng a batla go mo tshwantshanya
‘’heela tlhe mma!’’kgarebe ya tla fa go ene
’’dumela Lame!’’
‘’o montle gore!’’
‘’tanki tlhe mma,o tswa kae ka fa o apere bo kamponwane jaana?’’
‘’ke ne ke droper application’’
‘’a ga se gore o ngwana wa sekolo ntseana?’’
‘’ke batla gore e re ke tsena sekolo ka fa ke bo ke bereka’’
‘’a mme go ete go diragale?’’ke molaetsa o tsena mo mogaleng wa ga Lame
‘’I had a great time ke tla a nna customer as from today’’Lame a hutsafala,a baya mogala mo bekeng sefatlhego sa gagwe sa tshentsha
‘’ke eng a o siame?’’
‘’ee rra ke eng o mpotsa?’’
‘’ke bona sefatlhego sa gago se senyega o sena go bala molaetsa’’
‘’ae mme ke siame’’
‘’ehe mma!’’
‘’so ke tlhola ke go bona mo di facebook mo o ja madi e bile o ntlhadile!’’
‘’nnya mma ke wena o saleng ka o ntlhala ka go nkaketsa o re ke tle kwa ga lona o itse gore o tla a bo o seo’’
‘’eish!’’
‘’le gale o ne o sa itire ne ke loilwe,I had the spirit of bad luck by then’’
‘’go raya gore gompieno o sharp ka gore ke utlwa ke go feeler’’
‘’nnya ke setse ke na le mosadi tsala yame ke a mo nyala fa ke turna 21’’
‘’ao rra!

‘’mmmh!ke ene mosadi yo ke fa ka ene,fa e ka bo e se ka ene ke ka bo ke sa fitlhelela fa ke teng fa gompieno’’
‘’ok rra!so o dira eng fela mo gc mo?’’
‘’ke tsile go kopana le bangwe kwano ke a investor’’
‘’kare o lekgoa tlhe!..sekolo o tlogetse?’’
‘’nnya mma ke ntse ke a tsena ke ne ke batla go kgotsofatsa batsadi bame ka gore ba ne ba eleditse gore ke tsene sekolo ke fetse,mme fela for now ke dira le di business’’
‘’wena tlhe o sego!ke sale ka go bona ko sekolong fela gore o tsile gop nna botlhale e bile o tsile go atlega mo botshelong’’
‘’haha!lesedi lame e ne e se la dithuto fela’’
‘’kare o ntse montle rra!’’
‘’mme gore ke tle ke nne montle jaana ke raletse dikgwetlho mma eish!’’
‘’kana nkile ka utlwa go twe ga o a tsoga’’
‘’nnya phutlologa fela o bue gore o kile wa utlwa go twe ke a peka,ke nnete Motswana o ne a sa rata katlego yame a bo a ntirisetsa setlhare,ke ne ka di bona mme ke leboga mosadi yo o ileng a ntshela a ntira se ke leng sone,fa e ka bo e se ka ene ke ipotsa gore ke bo ke le fa kae!o bona lefufa tlhe le a re bogisa eish!’’
‘’mme kana batho ba ba lefufa ga ba nke ba atlega’’
‘’le nna ke foo!’’
‘’tla ke tsame rra ke tsena mo sekolong’’
‘’go sharp mmatra wame’’ba kgaogana

LEFUFA GA LE BUTSWE 49

MORAGO GA DINGWAGA TSE PEDI

Mo dingwageng tse pedi Poloko o ne a setse a na le dikompone di aname lke lefatshe ka bophara,babereki ba gagwe ba setse ba feta dikete tse tlhano.
Lorato la gagwe le Linda le ne le ntyse le eme ka mokgwa o le mongwe,Poloko o ne a goletse ko godimo a ka tsietsa motho yo o sa itseng dingwaga tsa gagwe.

Malatsi a boitapoloso a Keresemose le ngwaga yo o mosha a ne a setse a atumetse,kompone ya Gracedaniels ya bo e tshwere moletlo wa tsamaya sentle yo neng go jewa e bile go nowa,ga lala go etisitswe bosigo jotlhe,mpeetsahane a kgaoga,Modise o ne a ntse fa fatshe a lebega a lapile kana o nme a kile a kgaratha tha a bina,Poloko a ya fa go ene
‘’malome kana ke ntse ke go batla!’’
‘’ee motlogolo’’
‘’mme o tla a intshwarela go buela le wena fa go ntseng jaana,ke batla gore mme yole a goroge semmuso ko lwapeng malome’’Modise a nna sentle mo setilong
‘’hehe!o a bua fa o rialo,kana ke ntse ke re ke tla a go botsa gore gone mme o mo nyala leng,kana monna o boalile o bone mosadi yo o nang le pelo e e ntle e bile ga a itse go lebela batho ko tlase,ke et eke bone ka fa o fitlheleng a go tota ka teng,motho o ka tsaya gore le lekana ka dingwaga,o bolaile monna’’
‘’tanki gape malome!’’
‘’ee wena fa e le gore o ipaakantse o ka bua le rona ra rulaganya mafoko ra bona gore re dira jang’’
‘’mme ene ga ke ise ke mmolelele o name o didimetse pele,kgang ya teng e nne fa gare ga rona’’
‘’go tla a nna jaalo motlogolo wena baakanya monna re je dikuku!’’
Poloko a emelela
‘’malome e re ke tsamae,ke tshwanetse go robala ke ikhutse kana ka moso ke a bo ke ntse ke boela Gaborone gape,ke batla go fetsa ka banna bale ba makula pele ke ya Tonota’’
‘’nnya o tla a mphitlhela ko Tonota,re tla a bo re le fa lwapeng fale monna re bolaile podi re tle re kopane teng re bo re ya go tlhola lebitla la ga mmago le la mosadimogolo’’
‘’ee malome tla ke tswe’’a tsamaela fa go Linda
‘’motho wame a ga se gore re tswe?’’
‘’re santse re etisitse le ene tlhe rra’’Tiapo a bua a lebile Poloko
‘’ee etisang nna ke ya go robala mo koloing’’
‘’go siame rra!’’Poloko fa a tsena mo koloing boroko ja pala,a simolola go akanya nkukuagwe
‘’nkuku go raya gore o ne a nthata tota,o ne a eleditse go mpona ke le fa ke teng mo nakong ya gompieno,ke sone se a neng a tlhola a gaketse a re batsadi bame ba ntsenye mo bathong jaana,o ne a itse gore keya go feta ka dikgwetlho tse neng ke le mo go tsone,mosadimogolo yole wa Modimo o ne a nthata’’Linda a tla go ema fa letlhabaphefong
‘’babe!’’
‘’mma’’
‘’akere ga o a ngala?’’
‘’o raya ke ngalela eng my love?’’
‘’gore ke ne ke re ke santse ke etisitse’’
‘’hehe!nmnya mma’’
‘’ee tla ke etise wena robala motho wame’’
‘’ee mma’’
‘’akere mme o sure ga o a ngala?’’
‘’hahaha!mma wee ke sharp kana jaanong o batla go ntopa maaka?’’
‘’ee rra go siame mma ke tswelele ke etise’’
‘’ee wena ikgotsofatse motho wame’’
Masa fa a setse a sa ke gone Lind a tsena mo koloing,Poloko o utlwile fela a setse a mo tshekinya
‘’babe!’’
‘’hmm!’’
‘’tsoga re mo lwapeng’’
‘’eish!kna nna ke a bo ke tshwabanya fela ke bo ke emelela ke ya Gaborone kana’’
‘’babe kante ke eng o sa ikhutse?’’
‘’nnya ikete pele love!ke tla a ikhutsha ke setse ke bona gore re na le madi’’
‘’babe wee!madi ga a kitla a nna enuf!ke kopa gore o ikhutse’’
‘’ao mma!’’
‘’ke a go kopa mogatsaka’’
‘’ok love ke tla a ikhutsa’’
‘’ee rra nna ke batla go tlhola le wena’’
‘’ok!ke tla seke ke tsamae moratiwa’’ba tsena mo ntlong ba robala.

Modise e ne e le gone a tsogang mo ntlong e a neng a e rentisitse mo Palapye,a okomela mogala a leba nako,a fitlhela molaetsa
‘’kana ke letse ke tlhabilwe ke ditlhong ka fa o neng o bina ka teng e kare ga o motona,selo sa ntlha o ne o binela madi fela a o a fiwang ke ngwana fela o mo feta ka 30 years’’Modise a seka a tlhola a re ka moso a leletsa Dikgato
‘’beep!..beep!’’
‘’hello!’’
‘’mathata a gago ke eng?ke ntse ke bala molaetsa wa gago!’’
‘’o nkutlwile!bankane ba gago ba ba botlhale nako tse ba ka bob a sutisa mosimanyana yoo foo ba tsena,jaanong ka wena o hemile o santse a tsile go go amogedisa o shename foo!
‘’o bona fa e le gore o tla tla ka go tlhoka botho le lefufa,nna le wena ga re na go kgonana!ke kopa gore o seka wa tlhola o nteletsa,a lorato la rona re eme gone fa o ise o tle ka mowa wa boloi,lenyatso le lefufa mo go nna’’
‘’ga ke na sepe!’’
‘’ee ya go swela koo!’’

12/07/2023

LEFUFA GA LE BUTSWE 48
Ntlame a rotlhisa keledi,ba sepodise ba tswa le ene go ya kgolegelong,Linda le Poloko ba gomotsa batsadi ba ga Ntlame ba le mo tsleng go ya lwapeng.

Go ne go fetile sebaka sa kgwedi Poloko a ntse a lwa le kompone e a neng a re o batla go e simolola ko Palapye,Modimo a kgona go mo tswa matshediso a bula kompone e direang pente.
Kgwedi fa e ya go fela ke fa e setse e na le babereki ba ka nna masome a mararo.

Nako e ne e le ya lesome mo mosong,koloi ya mogobagoba e ne e tsena ka kompone ya Gracedaniels,Modise a fologa koloi a isa dipampiri tsa diorder kwa go ba ba pegang,Poloko a tswa ka fa go direlwang dipente a ntse motuba,Modis e a itshwara dinoka
‘’yah neh!?ke go boleletse gore o maaka sentle,nna kana ke itsile gore go raya gore o a bo o utswa madi a kompone yone ee!’’
‘’dumela malome!’’
‘’ware dumela!maaka ga a busetse o tla a nna maaka go fitlhelela o thunya tlhogo mosimanyana ke wena!gatwe o a ba aketsa ko g*e ware o tsena sekolo ka fa o a sokola bona jaaka e kare o sepoko!ke itsile gore madi le ntlo ke tsa mosadi yo o mo ineeletseng a go feta yole sies!’’ga tla mme yo mongwe fa go bone a apere mokwanya a gatela ko godimo
‘’Mr Raditanka!’’
‘’mma!’’ga araba Modise
‘’nnya ke raya wa Director sir’’
‘’ee mma ke fano’’Poloko a araba
‘’sir re na le order e e tswang Builders World ba re ba batla dipente di le 10,000’’
‘’ok!ba reye ba duel eke tla a oketsa staff motho wame,o bo o hira bo rre ba le lesome’’
‘’temporary kana permanent?’’
‘’permanent motho wame’’ga re tuu!Modise a utlwa e kare go nkga segau
‘’o pega bokae rra?’’
‘’monna a kompone e ke ya gago?’’
‘’ee rra!’’
‘’o kgonne jang?’’
‘’ehee!go a tualo malome go botswa jaalo you do not have to be jealous be inspired
‘’ey motlogolo kana ko ke berekang teng ke kgweetsa diteraka fela mme ga go madi monna!loan le tsone di nna fela mo molaleng wame ke setse e bile ken a le dikakanyo di sele fela tsa go diga teraka ke swe ga go na mosola wa go tshelela dikoloto’’
‘’malome ga o kake wa sotlega ke le teng,phuaganya ko o teng o tle go bereka kwano’’
‘’a o tlhwaafetse ne monna?’’
‘’malome a re laise fa o batla re bua tse dintsi re tla a di bua’’
‘’ke isa koloi ee fela ke bo ke boela kwano mathata ga ke na boroko kwano’’
‘’wena tla o bereke o tswe mo go a mantsi’’
‘’ke chika ka bonako motlogolo..ehee!ke ise ke lebale kana o ne o re o batla go beela batsadi letlapa?’’
‘’sale ke feditse ke ba beetse bo ke didimala akere ke ne ke bona e kare go tla a nna modumo’’
‘’nnya wena o na le go bua le nna ke nole ke sa itlhaloganye’’
‘’tsamaya rra nna mme ke ya sekolong,fa e le gore o tla a boa ke seo o tsene ko ofising ba tla a go thusa’’
‘’ee motlogolo go siame’’
‘’o seka wa tsamaya o siantsha koloi o lebeletse gore ke rile o tle go bereka’’
‘’ee ga ke kake ka dira jaalo monna’’a tswa ka teraka a rumaruma,Poloko a bua a le nosi
‘’kare o itumetse malome le teraka o tla a lala a e digile ija!’’fa a tsena mo ofising a amogela mogala
‘’hello!’’
‘’ee mma’’
‘’ke Tiapo tlhe rra kana ke rile ga ke bereke’’
‘’ke rile nna maid o tlhokomele batsadi ba gago ke tla a go duela madi fela a a botoka kana go thata?’’
‘’kana nna ke ne ke ithaya ke re gongwe o a tshameka’’
‘’nnya rakgadi ke ka se tshameke ka wena ao!’’
‘’ee go siame ngwana wa ga nkgonne’’
‘’go siame mma’’
‘’o nzamele foo’’
‘’ee mma’’Tiapo a kgaola mogala,a o tikela mo godimo ga bolao
‘’nako tse dingwe lefufa ga le busetse le fa o ka re o lowa motho o a bo o ntse o itia,o re paletse Poloko e bile botshelo ja gagwe bo tsweletse jaaka re ne re sa akanya’’

Ngwaga fa o tla go wela ke Poloko a tlhapile bo mmangwanaagwe e bile a ba ruta go dira madi,ba simolola go bona tota gore ba ne ba itshenyeketsa ka go fufegela sekhukhu se se ba thusang go thiba mogote wa letsatsi la botshelo,mosimane ke a palamela mo botshelong,Linda e bile a setse a amogetswe ba setse ba itse gore ke Mmaraditanka le fa a ne a ise a tsewe semmuso’’

12/07/2023

LEFUFA GA LE BUTSWE 47
Ba sepodise ba seka ba diega go goroga,fa ba tsena ba fitlhela mosimane a tshegeditse Ntlame
‘’dumelang batsadi gatwe ke mang wa ditagi?’’ga botsa rre wa lepodise yo neng a tsentse dinaledi,Ntlame a ikutlwa a tsenwa ke serame mo mogoteng wa letsatsi leo
‘’monna yo ke ene a tsentseng ditagi mo bekeng yame mmotseng gore o ne a emelang fa!ke ene a di tsentseng a mo a ntsenya ditshipi a re ke ditagi tsame!’’
‘’mma re tla a e bua ko pele a re tsweng!’’ba tshwara Ntlame ba pega mo koloing ya mapodise ka fa morago,rre wa lepodise a kgweetsa ya ga Ntlame,wa modisadikago a tsena mo go ya tiro ya bone ga iwa mapodiseng.

Rraadaniel le mogatse ba ne ba phepafatsa ba ntsha leswe le le neng le tlogetswe ke baagi,koloi ya mapodise ya tsena mo lwapeng,Radaniel a gopola nako e neng koloi e tsena mo ga gagwe mapodise ba tsile go bega leso la Daniel,a utlwa e kare mala a gagwe a tla a sega,a tsamaela fa koloing
‘’dumelang bo rra!’’a dumedisa a eme ka letlhabaphefo
‘’dumela monnamogolo,Gontlametse ke eng sa gago?’’monnamogolo wa Modimo a utlwa e kare mangole a gagwe a a reketa,sefatlhego sa gagwe sa sala se phaphaletse
‘’ke ngwanake!’’rre wa lepodise a fologa mo koloing,a bulela ntsa ka fa morago
‘’re tsile kwano rra,re tshwere ngwana wa gago ka ditagi tse di bogale,katse le co***ne re belaela a di rekisa!’’
‘’uhu!’’ gago!’’
‘’nna ga ke rekise dilo tseo mosimane ke wena!’’
‘’ee rra ga ke re o a di rekisa kana ngwana wa gago o tshwerwe ka tsoine jaanong le kwano re a di..’’
‘’heela motho yoo o na le kwa ga gagwe mo lateng koo!’’
‘’a o batla go gana re dira tiro ya rona re le ba sepodise?’’ka a le boi monnamogolo wa Modimo,a ba sutela ba phuruphutsha,ba tswa bas a tshwara sepe
‘’go siame rra re a leboga!’’
‘‘akere nna ke le boleletse kare ga go na sepe mo!’’fa ba sena go tswa Radaniel a ngwaya tlhogo
‘’o a bo a dirile eng Ntlame?’’a seka a senya nako,a kgabaganya a ya kwa Ntlame a nnang teng,fa a tsena a fitlhela mapodise ba setse ba gorogile e bile ba phuruphutsha,ba mo kgannela ko ntle,ba sala le Baoloki mo ntlong,ba nna ba seka ba fitlhela sepe,fa ba fetsa Baboloki a tswa le bone a ya kwa Poloice station.
Ntlame fa a bona Baboloki a se kgapha selelo,Baoloki a mo leba fela le e seng go bua sepe,fa a didimala Baboloki a mo tlhoma matlho
‘’o tlhaela ka eng?ke eng se se dirang gore o rekise ditagi?’’
‘’ga ke rekise ditagi mogatsaka ba a mpateletsa!’’
‘’ke dumela gore o a di rekisa!’’
‘’ao mogatsaka go simolola leng o sa ntshephe?’’
‘’ke ka go tshepha jang o dirisa dilo tse?goriana o ne o ntse o itse gore Poloko o lwala eng?’’
‘’o raya jang?’’Baboloki a mmontsha senepe se Ntlame a neng a se fitlhile ko ntlong a bofile Poloko ka ditlhale le nnale,kgarebe ya shadikanya matlho,kana gore dilo tse di tle di bonwe jaana nako ya mapodise a phuruphutsha
‘’a o a lowa?’’ga botsa Baboloki
‘’nnya mogatsaka ke..’’
‘’o seka wa mpitsa mogatso!’’a mo supa ka monwana
‘’ke bone dilo ka bontsi ka fa tlase ga bolao tse neng ke sa nke ke di bona,ke maswabi mmaetsho!fa e le gore o tla a kgona go tswa o bo o tla o phutlha sengwe le sengwe sa gago o tsamaya a o a nkutlwa?’’
‘’Baokloki tlhe rra ke santse ke go rata wena!ke kopa gore o intshwarele ke baakanye dilo’’
‘’bua nnete a o rekisa ditagi?’’
‘’a ke bue nnete?’’
‘’ee ke yone ke e batlang,gopngwe ke ka go itshwarela’’
‘’go bua nnete ke ne ke re ke di isa kwa mosading yo nnang le Poloko’’
‘’goreng?’’
‘’gore go tle go twe ba rekisa dikatse’’
‘’a lefufa la gago ke lone le go emeleditseng ko lwapeng o bo o ya go reka tsone dilo tse?Poloko o go dirile eng mo o batlang go mo senyetsa bokamoso ka bokete jo bo kanakana?’’
‘’ga a ntira sepe’’
‘’a o lefufa fela?’’
‘’ke kopa maitshwarelo motho wame’’
‘’ga o nkarabe gape ga ke motho wa gago nxa!’’
‘’eish!’’a itshwara tlhogo
‘’ke ka se tshele le mosadi yo o lefufa,ka moso tsoga o lowa bo nnake,fa o tswa fa o bo o ya go phutlha sengwe le sengwe sa gago ga ke batle go bua sepe se sentsi le wena’’a emelela
‘’o mpatlele mmueledi tlhe rra’’
‘’ga ke dire jaalo nxa!’’a emelela a mo tlogela foo a lela,bo rre ba mapodise ba mmusetsa ko diseleng.

Nako e ne e le ya bosupa maitseboa,Poloko o ne a tswa go tlhapa fa a fitlhela di call back tsa ga Tiapo,a letsa
‘’beep!..beep!’’
‘’hello!’’
‘’Dumela Poloko tshwarela papa jaalo’’ee mma,a fa Radan mogala
‘’hello!..monna go na le mathata kwano,gatwe rakgadiago Ntlame oi tshwerwe ka ditagi’’
‘’uhu kae?’’
‘’gone mo Tonota mo!ke mathata fela monna o mo diseleng jaaka re bua jaana’’
‘’a re o di tsaya kae?’’
‘’nna ga ke itse ngwanaka’’
‘’ke tla a mmatlela mmueledi rra,tla ke fetse sengwe pele fa ke tla a boa ke letsa’’
‘’tanki ngwanaka!’’
LEFUFA GA LE BUTSWE

Nako e ne e le ya bosupa mo mosong,rre wa lepodise o ne a bula lebati la toronko le neng Ntlame a tswaletswe mo go lone
‘’a re tsamae wena mmueledi o ko ntle kwa o go emetse,akere le senya ka boomo le itse gore le na le madi a go reka babueledi nxa!’’a tswa foo a tlhomola pelo,rre wa mmueledi a mo kopela gore a tsene ko lekgotleng la Francistown.
Kgang ya feta ya rolwa,mmueledi a mo kobela bail,ke gone Ntlame a kgona go boela lwapeng.ya re a tsena a fitlhela Baboloki a phutlhile sengwe le sengwe sa gagwe a beile fa gare ga sitting room,a tsena ka bonya a tlhabiwa ke ditlhong
‘’du..du..melang’’
‘’phutlha sengwe le sengwe sa gago o bo o ntswela ka kgoro!’’
‘’ke kopa gore re bue mogatsaka ke a go rata kana ke ne ke tsenwe ke…’’
‘’ke ne ke re tswa o tsamae o ise o ntene!’’kana o ne a itse gore lebogo la ga Baboloki fa a tenegile le gaufi,mme e bile botlhoko ja lone e nna e kare motho o iteilwe ka marago a garawe
‘’ee rra ke a tsamaya,but thanks go mpatlela mmueledi go supa gore you still care’’
‘’ga ke a go batlela mmueledi o mmatetswe ke ene motho yo neng o mo fufegela yole nxa!’’a utlwa a kokonelwa ke ditlhong,a tswa ka dibeke a ya kwa ga bone,mo tseleng a tsamaya a bua a le nosi
‘’Poloko ke ene a ntueletseng?o itse kana!ke ipolaile ka lefufa lame a ko tlhe ke nne rakgadi fela yo o molemo eish!ke ya go tlhabiwa ke ditlhong fa ke mmona’’a tsena kwa ga bone a inamisitse tlhogo a bo a isa dibeke kwa kamoreng ya ga Tiapo,Tiapo o ne a le moo a tlhapa
‘’dumela Tiapo’’
‘’dumela jaanong go rileng ka dibeke?’’
‘’Baboloki o nkobile mma’’
‘’gone mme wena o ne o isa kae ditagi?’’
‘’a re tswe mo go eo ke lapile e bile ke batla go tlhapa’’
‘’jaanong ba reng ko police?gatwe Poloko o go batletse mmueledi kana ne o itse?’’
‘’ee mma gatwe ke mo bail,ke boela tshekong jaana ka Laboraro wa kgwedi e e ka kwa e fela,ke gone ke tla a b**g ke atlholwa’’
‘’ke mathata!’’
‘’le tiro mma ba ne ba nteleditse ba re e fedile’’
‘’a tota mongwe ga a go lowa?’’
‘’nnaka ke nna ke itoileng go bua nnete,ke itoile ka go fufegela ngwana wa ga nkgonne eish!’’Tiapo le ene a utlwa amega mme fela a seka a bolelela Ntlame gore le ene ke mona le seabe mo go sokoleng ga ga Poloko.
‘’a papa le mama ba go bone?’’
‘’ke ya ko go bone’’a tswa mo ntlong,batsadi ba gagwe ba ne ba ntse fa pele ga ntlo
‘’dumelang’’
‘’dumela a ko o nne fa fatshe’’rraagwe a bua a supa setilo
‘’mathata a gago ke eng?o bereka tiro e e duelang,monnamogolo wa gago o a go tlhokomela o ne o batla eng mo ditaging?’’
‘’batsadi ke kopa maitshwarelo’’
‘’kana o re tlhabisitse ditlhong Ntlame tota mathata a lona ke eng le re senya maina mo bathong jaana?’’
‘’nnya ke kopa maitshwarelo batsadi bame’’koloi ya tsena ko kgorong,Linda o ne a tla a kgweetsa,a fologa le Poloko ba ya fa batsading
‘’dumelang!’’
‘’dumela monna Poloko!’’monnamogolo a mo dumedisa ka monyenyo
‘’a le a tsoga?’’
‘’re a tsoga ngwanaka nnya ntlo e wetse rra go setse ba motlakase le metsi fela’’
‘’ee rra ke ntse ke ba setse morago ba tla a wetsa’’
‘’mosadi yo ke…’’
‘’ehee!mosadi yo ke mme yo ke tshelang le ene,moratiwa ke batsadi ba,me Mmadan le Radan,yo ke rakgadi’’
‘’ke itumelela go le itse batsadi’’
‘’nnya mme o na le leitlho ngwanaka,le nna ke lebogela go go itse ngwetsi yame’’
Ntlame a emelela
‘’segolo o re tanki ngwana o go thuiste’’Mmadan a bua a lebile Poloko
‘’ngwana wa ga nkgonne o nthusitse ke a leboga’’
‘’ee rakgadi ga go na mathata!’’Poloko a tlhola kwa ga bo rragawe a ba a ja teng,Tiapo o ne a apeile a tshabetse kgakala a sa batle go ba tsenyetsa dijeso.

Letsatsi e ne e le la Laboraro mo mosong,nako e ne e ka ela kwa go ya lesome.
Kgotlakgolo ya Francistown e bo e tshwere kgang ya ga Ntlame,ga nna tlhatlharuane,mmueledi a lwa ka gotlhe mo a neng a na le gone,a dirisa bokgoni jotlhe ja gagwe a lwela gore Ntlame a fokoletswe dingwaga tse a neng a di lebisitswe,nnya tlhe!go bua ga gagwe ya seka ya nna lefela,ya re ko bokhutlong Moatlhodi a lebagana le Ntlame go ntsha katlholo
‘’lekgotla le go bone molato wa go tshwara ditagi tse di seng ka fa molaong,o atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong,mme lekgotla le tla a seegela tse pedi fa tlhoko,o tla a tsamaya tse tlharo,fa e le gore ga o a kgotsofalela katlholo yame o tla a ya go ikuela ko court of appeal’’

12/07/2023

LEFUFA GA KE BUTSWE 46

Tiapo a wela fa fatshe,a ragaraga,batho ba mo kgobokanela,mongwe a mo tsaya ka koloi a mo isa kokelong.
Gontlametse a sala koloi e neng e mo pegile morago ga iwa kokelong,fa a tsena a ema ema pele,ngaka a ema fa ntle
‘’ke kopa motho yo o tsileng le mme yo’’
‘’ke nnake’’Ntlame a bua a tsholetsa lebogo
‘’ee tsena’’a tsena ka fa teng
‘’re a mo golola,ke kopa gore le mo tlhokomele thata a seka a nna a utlwa botlhoko,go raya gore o utlwile botlhoko pelo e bo e tlola,jaanong fa go nna jaalo o tla a bo a hupela,le thusitse la goroga fa ka nako,re ka bo re bua a sele’’
‘’ee rra ke a utlwa’’
‘’ee le ka tsamaya le ene’’Ntlame a mo tshegetsa ba ya koloing
‘’mma ke nnete ke utlwile botlhoko,Poloko o ne a ntsola ditwalo le kgarebe ya gagwe’’
‘’kana mme ke a bo ke ne ke bua o bo o sa ntheetse,ke rile tswa mo go Poloko o tla a go roga,o bo o mpona gore ke bua boso akere?’’
‘’pelo ee yame e botlhoko moo!’’
‘’ngaka o rile o seka wa utlwa botlhoko mma nna ga ke batle go golegwa!’’
‘’nnya ke tla a siama’’
‘’ga ke gane gore o tla a siama ke ne ke re o tla a nkgolega,ke go isa lwapeng mma ke itlhaganeletse golo gongwe’’a tabogisa koloi a ya go tlogela Tiapo mo lwapeng a bo a boa a leba kwa ga gagwe,fa a tsena a tsaya madi a a neng a a beets go reka disamente le didirisiwa tsa kago
‘’ga ke e kake ka palelwa ke mosimanyana yo o kana ka Poloko!kgarebenyana ele ya gagwe e ya go lala e bakile gompieno nxa!’’a feta a tsena ka carwash nngwe e e bapileng le molapo
‘’dumelang o kae Botshelo?’’
‘’o santse a tsene fa ga bone’’ga fetola mosimane mongwe yo neng a ntse a tlhatswa koloi
‘’a ga le a tshwara sepe?’’
‘’eng mmamane?’’
‘’hehe!o itse gore ke bua ka eng a ko o lese go iphaphamodisa!’’
‘’ehee!sengwenyana se teng mmamane’’
‘’ee mpha dipaketenyana di le lesome’’
‘’banna!o e isa kae e le ntsi jaana?’’
‘’ke ya go rekisa ko pele le nna’’
‘’ee tla ke tle ka yone’’mosimane a mo tlela ka dipolaseteke di le lesome di na le mophutlhelwana yoo mosweu,a o tsaya ka bonako a tsenya mo hand bag a bo a tswa a leba kwa matlong a barutabana a Rauwe Primary.
Tiapo o ne a tsena mo lwapeng,letsatsi leo ke le a neng a itimile dijo ka lone,a tlhaelela mo sitting room
‘’eish!go batla ke rapelelele ruri ke bo ke ya go ja ke a tsibikela ke tlala..’’a khubama
‘’Mo maineng a mararo a a maatla la ntate,la morwa le la mowa yo o galalelang!Modimo wame ke a go bitsa mo nakong ya gompieno,thulaganyo e neng ke e ipeetse ya go itima dijo e a wela,ke ne ke itimetse lorato lame le mokapelo wame Poloko!Modimo re sireletse ka metlha yotlhe,may every weapon laid against us by our enemies fail!’’nako eo ke koloi ya ga Ntlame e tlhabiwa ke sepekere,ya thunya leotwana a bo a kgona go e tshegetsa e ema fa tlhoko ga tsela,ga tla koloi ya Security Systeems ko morago ga gagwe e pegile dintsa,ya ema fa go ene
‘’dumela kgaitsadiaka e rileng?’’ga botsa mokgweetsi
‘’e thuntse leotwana tlhe rra wena!’’
‘’akere mme ga o a bona dikgobalo?’’
‘’nnya rra’’

‘’ke tla a go thusa kgaitsadiaka akere o na le spare wheel?’’
‘’ee rra’’nnya mosiamne a mo thusa ka lorato fa a fetsa Ntlame a tsena mo koloing a tsaya beke
‘’mma ke go fe madi a senotsididi kgaitsadiaka hei!o kile wa nthusa motho wame’’fa a bula beke dintsa tsa kelema ka go bogola,dingwe ke e bile di batla go tlhaga mo koloing
‘’kgaitsadiaka o tshwere eng se se sa letelelweng?a o tshwere ditagi?’’Ntlame a kgaoga pelo
‘’nna ditagi?’’a itshupa sehuba
‘’wareng ne mosimane ke wena a ke lebega ke ka goga ditagi nna?’’mosimane a phamola beke,a fitlhela e rile thii!ka katse
‘’hee banna!naare golo mo katse?’’
‘’buela ko tlase tlhe rra ke tla a go jesa sengwe’’
‘’ga ke tseye pipamolomo mosadi le re bolaela bana ka dilo tse tsa lona!ke leletsa mapodise ba tsile go go tsaya’’
‘’ao nnaka tlhe o tla a bo o ntshenyetsa bokamoso ke a rapela ao rra!’’
‘’nnya kgaitsadiaka nnya!’’
‘’ee a re ee kwa game ke ee go go fa round!’’
‘’ae!a ke lebega ke rata morobalo?’’a bua a ntsha mogala a leletsa mapodise
‘’beep!..beep!’’
‘’hello!’’
‘’ke letsa ke le fa Rauwe rra,go na le mongwe ke yo kwano ke mo tshwere ka ditagi ke kopa gore le tle ka kwano’’
‘’bangwe ba gone ka koo re tla a ba laela,o eme fa kae?’’
‘’ke fa setopong se se ka fa kgorong ya sekolo’’
‘’ee ba etla’’a kgaola mogala,Ntlame ke a re o a sia,mosimane a mo tiripa a bo a mo tsenya ditshipi
‘’ke lona ba le senyang motse wa rona ka ditagi a etla mapodise!’’

Address

Gaborone

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Tuna by Kgosi posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Share