02/08/2021
Dumelang ba Botswana Private News ke kopa thuso kgang keye gongwe ke nna yo ke phoso nthuseng.
Nne yare ka ngwaga wa 2003 gatla batsadi ba lelwapa lengwe, mo lwapeng ba supa fa ke sentse ngwana wa bone mpa e b**g Kesego mme nna ka supa fa nna le Kesego re kile ra tlhakanela dikobo re ipitlha mme nne re dirisa sekauso mme batsadi bao ba supa fa ngwana ele wame ka dumela gore ke nnete ngwana ke wame ke tsaya gore gongwe sekauso nne sa patloga . Nne yare ngwana ale 9 months a sena go latlha lebele la Mmaagwe, Kesego atla go latlhela ngwana mo lwapeng abo a tsamaya a motlogela nne ka simolola go tlhokomela ngwana le gompieno fela ntse ke tlhokomela ngwana o bala Form5.
Kgang yame ke gore Mmaagwe Kesego nne yare ka 22 June 2021 atla le Rre mongwe mo lwapeng a feta a mpolelela ditsia badimo a mpolelela fa Rre yo ele ene Rraagwe ngwana nne ra felela re dira DNA TEST ngwana a dumela go dira di test mme ka nneete maduo a supa fa ngwana ele wa Rre yo o ese wame.
Ngwana ga batle Rre yo are ene o siame fela ketla nna Rraagwe lefa maduo a supa fa ese ngwanake, ngwana o supa fa sa batle sepe sa Mmaagwe le Rre yo o. Nne ra nna le meeting le batsadi mme kgang e ntse fela jalo ngwana o supa fa batla go tswelela a nna le nna mo lwapeng are ke Rraagwe ga ana sepe ledi DNA TEST le Mmaagwe ga bue le ene ka gore o sale a motlogela a sale lesea.
Ba batla go tsaya ngwana mme ka gaana kgang eo, ke sale ke sokola ka Katlego bogologolo ga nkake ka tlogela batho ba tsaya ngwana ale motona ba rile ngwana ke wame ga gona ka poelo morago ga ke itse bagolo gore a ke molato?
Nna gake batle go duelwa sepe ngwana o tla tswelela a nna mo lwapeng ke ngwanake lefa ke sena go tlhokofala o tsile go sala aja boswa ba gaagwe ke ngwanake.
Like,Comment and Share
Inbox us for stories
ADVERTISE WITH US