18/03/2023
TSELA YA SEFAPAANO
Mmoloki o thetheekela, lwa boraro, mme o wela, fatshe mo go botlhoko.
FELO GA BOROBABONGWE
Jesu o wela ka fa tlase ga sefapaano lwa boraro.
M.: Re a go obamela, Morena Jesu Kreste, mme re a go baka.
B.: Gonne O rekolotse Iefatshe ka sefapaano sa gago.
Akanyang ka fa Jesu e rileng a ntse a tlhatlogela ka teng kwa godimo ga thaba ya Kalvari bokoa jwa gagwe jwa nna jwa gola. Mme ka ntlha ya bosetlhogo le go tlhoka thekegelo le matlhapa a babolai ba ba neng ba mo kgweetsa, ba ntse ba mo itaya, ba mo kgorometsa, a wela ka fa tlase ga bokete jwa sefapaano lwa boraro.
Oh! Jesu wa me, O wetse ka fa tlase ga bokete jwa sefapaano lwa boraro. Ke go rapela ka go wa botlhoko mo ga gago: utlwela batho botlhoko ba ba tlhomolang pelo, ba ka ntlha ya bofofu jwa bone ba ikgaolang mo go wena le Kereke ya gago e e Boitshepo, mme ba kgokologela kwa tatlhegong. O se ka wa leba boikgodiso jwa bone le kilo le botatalala, mme bogolo O ba busetse mo kopanong ya letsomane la badumedi ba gago, gore ba tle ba go bake mmogo le rona ka bosafeleng.
M.: Morena Jesu Kreste, yo O bapotsweng, re utlwele botlhoko mme O thuse mewa e e mo molelong o o ntlafatsang.